Buisa ka kelotlhoko kaelo ya go tsenya tirisong mo tsebeng ya 7, gonne e na le tshedimosetso e e botlhokwa e e tla go thusang mo go tlatseng foromo ya kopo ka tshwanelo.
tlatsa foromo ya kopo mo tsebeng e e kwa morago mme o netefatse gore o akareditse ditokomane tse di maleba gammogo le tshaeno ya gago fa go tlhokegang.
Romela foromo le ditokomane tsa tlaleletso go GEMs ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
Ka fekese: 0861 00 4367
Ka go etela ditikwatikwe tsa thuso tsa dikgaolo: Leba kaelo ya go tsenya tirisong mo tsebeng ya 7 go bona dintlha go ya pele.
Fa e le gore kopo ya gago e atlegile, GEMS e tla go posetsa pakana ya kamogelo mo sebakeng sa malatsi a le 7 a go amegela kopo ya gago.
Kopo ya gago e tla diegisiwa fa o sa tlamele GEMS ka ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang.
Fa e le gore kopo ya gago e ka se lejwe, GEMS e tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa malatsi a le 15 a go amogela kopo ya gago.
Tsweetswee ikgologanye le tikwatikwe ya megala ya rona mo go 0860 00 4367 kgotsa ka e-mail mo go enquiries@gems.gov.za fa e le gore o tlhoka thuso go ya pele ka ga go tlatsa foromo ya kopo ya gago.
KA WA BUSA KAELO E LE FOROMO YA KOPO YA GAGO E E TLADITSWENG.
TSWEETSWEE TLATSA DIKAROLO TSOTLHE TSE DI MALEBA KA KELOTLHOKO E BILE LE KA BOTLALO.
netefatsa gore o tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tsotlhe. Romela foromo ya kopo e e tladitsweng go GEMs ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
sefane
Leina la ntlha (ka botlalo)
Ditlhakaina setlhogo (Rre, Mme, kgotsa se sengwe fela)
naga ya boagi Bong Kemo ya nyalo n nyetse/nyetswe n sa nyalang/nyalwang n tlhadileng n Motlholagadi/Moswagadi n nnang mmogo le molekane aterese ya poso
Khoutu aterese ya bonno
Khoutu
Mogala (Gae) ( ) (tiro) ( )
Nomoro ya selula nomoro ya Fekese ( )
E-mail Leina le sefane 1 ya tse 6
Tsweetswee leba Karolo ya B ya kaelo ya go tsenya tirisong mo tsebeng ya 7 gore o tle o kgone go netefatsa gore batho ba o eletsang go ba tlhopha jaaka batlhokomelwa ba gago ba a akarediwa jaaka go tshwanetse.
Sefane Leina la ntlha ka botlalo Bong Letlha la Botsalo Nomoro ya Lekwaloitshupo kgotsa Paseporoto Naga e e tlhagisitseng Kamano
Tsweetswee tlhopha MOFUTA O LE MONGWE go tswa mo lenaneng le le fa tlase e bile o tshwaye bokoswana e e maleba ka X.
Go busediwa tšhelete ya ditleleimi yotlhe go dirwa ka kelo ya sekema gammogo le go tsamaelana le melawana ya sekema.
Tsweetswee bontsha letlha le o simolotseng go direla mothapi wa gago wa ga jaana:
tsweetswee bontsha letlha le o batlang go simolola go nna leloko la GEMs:
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. (akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.)
Badirakopo ba ba amogelang penšene: tsweetswee bontsha penšene ya gago ya kgwedi ya motheo.
Lotseno la Kgwedi R
A o leloko kgotsa motlhokomelwa wa sekema sa kalafi se se kwadisitsweng?
Fa karabo e le ee, a o leloko-legolo kgotsa motlhokomelwa?
Fa e le gore o leloko/motlhokomelwa, tsweetswee akaretsa setifikeiti sa gago sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se netefatsang letlha la go khutlisa botokololo (dikarata tsa botokololo ga di a lekana). O tshwanetse go netefatsa gore botokololo jwa gago mo sekemeng sa kalafi sa ga jaana, bo phimotswe.
Leina la sekema sa kalafi sa pele nomoro ya leloko tšhelete ya kgwedi le kgwedi e e duelwang ke bathapiwa e gogiwa ka tlhamalalo go tswa mo megolong ya bona fa go leng maleba.
Go maloko a bapenšenara, tsweetswee tlhopha mokgwa wa tuelo o le mongwe go tswa mo lenaneng le le fa tlase:
Ke tla bo ke duela tšhelete ya kgwedi le kgwedi e e duelwang ka tsela e e latelang: n Debit order n tšhelete e e seatleng
Fa e le gore o tlhopha go duela ka debit order o tlhoka go tlatsa Dintlha tsa go banka tsa leloko fa tlase Karolo ya H.
Fa e le gore o tlhopha go duela ka tšhelete e e seatleng, tsweetswee dirisa dintlha tse di latelang tsa go banka fa o tsenya tšhelete e e tshwanetseng:
Dintlha tsa akhaonto ya banka: Di tlhokega mo mabakeng a fa leloko le tshwanetse go busediwa tšhelete ka tlhamalalo, gammogo le fa ke tshwanetse go duela tšhelete mo sekemeng.
nomoro ya akhaonto ya banka
Leina la banka
Jaaka go letlelesega, motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me le nna re rebola tetla go ngaka e bile/kgotsa modiri wa kwa bookelong yo nna/batlhokomelwa ba me re leng mo tlhokomelong ya gagwe kgotsa ya ga motlamedi wa tsa pholo kgotsa motho ofe kana ofe yo o tshotseng tshedimosetso efe kana efe mabapi le pholo ya me kgotsa tshedimosetso efe kana efe ya batlhokomelwa ba me go e rebola:
tshedimosetso efe kana efe e GEMs, baemedi ba yona e bile/kgotsa batsereganyi ba ba thapilweng ka konteraka (contracted third parties) ba e tlhokang go duelela tleleimi efe kana efe e e rometsweng ke nna kgotsa motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me go GEMs e bile/kgotsa go baemedi ba yona;
Molaodi wa dikgetse (case manager) wa GEMS e bile/kgotsa wa baemedi ba yona yo o nang le tshedimosetso efe kana efe e molaodi wa dikgetse a e tlhokang go kgona go laola dikgetse kgotsa tsa me kgotsa tsa motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me;
Bolaodi jwa tlamelo ya pholo jo bo nang le tshedimosetso efe kana efe, e le ka seemo sa go sa tlhagise gore motho ke mang, e e tlhokegang mo mererong ya tsamaiso le dipalopalo, fa fela tshedimosetso e e jalo e tla tsholwa e le sephiri ka dinako tsotlhe.
Go botlhokwa go naya GEMS e bile/kgotsa baemedi ba yona tetla ya gago go buisana le ngaka/dingaka tsa gago, bookelo kgotsa motlamedi wa tsa pholo ofe kana ofe go netefatsa gore o amogela tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo.
Ke solofetsa gore:
E Diteng tsa foromo e ke nnete, di nepagetse e bile di feletse. Fa go ka nna le tshedimosetso e e sa tlhagisiwang kgotsa le go sa bue boammaruri ka tsela nngwe, ke tlhaloganya gore botokololo jwa me bo ka khutlisiwa e bile nka lopiwa go busetsa Sekema tšhelete, ya boleng jo bo ka bong bo sa ntshiwa mo boemong jwa me, seemo se se ka fetogang fa morago ga ditsamaiso tsa go ipelaetsa fela ka ntlha ya go sotlaka ditshwanelo kgotsa ditlotla (privileges) tsa sekem.
E Ke dirile tlhopho ya me ya mofuta e bile ke ikgotsofaditse ka ga sethalo sa ditshwanelo se se tlhagelelang mo mofuteng o.
E Ke dumela go ithuta go itse melawana ya Sekema.
E Baamogela-ditshwanelo ba me, ntle le mogatsa-ke/molekane wa me, ba tlhokometswe ke nna ka botlalo kgotsa e seng ka botlalo mo e leng gore ba tlamelwa ke nna e seng ka botlalo go se amogele lotseno la ngwaga le le fetang bogodimo jwa tšhelete ya penšene ya puso kgotsa ga ba a thapiwa nako e e tletseng ka letlha la go saena foromo e.
E Ke na le kitso ya gore GEMS e ka tsenya sebaka-kemo sa kakaretso e bile/kgotsa se se nang le mabaka a a tsepameng, jaaka go tlametswe mo Molaong wa Dikema tsa Kalafi (Wa bo 131 wa 1998).
E Ke tlhaloganya gore dintlha tsa me tsa bosebele gammogo le tshedimosetso ya me ya tsa pholo (e e amogetsweng go tswa go batlameding ba tsa kalafi go na le thebolelelo-tetla e e tlhamaletseng) di tla tsholwa e le sephiri.
E Ke na le kitso ya gore tshedimosetso ya bosebele ya pholo gammogo le ya bosebele ya me le ya batlhokomelwa ba me di ka dirisetswa dipatlisiso, datha ya dipalopalo, mabaka a tsa tlhokomelo le go bega, e bile go fapoga gofe kana gofe mo dintlheng tse go tla tsewa e le go tlola molawana wa bosephiri.
E Ke tlhaloganya gore fa go ka diragala gore GEMS e eletse go dirisa tshedimosetso ya bosephiri ya me kgotsa ya batlhokomelwa ba me ka ntlha ya mabaka a sele go na le a a tlhalositsweng mo maikanong a, GEMs e tshwanetse go lopa thebolelo-tetla e nngwe gape go tswa mo go nna le mo batlhokomelweng ba me.
E Ke tlhaloganya gore tshedimosetso ya me ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo ya me, ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
Go tswelela mo tsebeng e e ka kwa morago
E Ke tlhaloganya gore GEMS e reboletse batho bangwe mo teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba ba thapilweng ka konteraka phitlhelelo go tshedimosetso ya maloko ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo.
E Ke tlhaloganya gore GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tla dirisa tshedimosetso ya tsa kalafi/pholo/phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang - go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi jwa kotsi (risk management practice).
E Ke tlhaloganya gore GEMS e tsene mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
E Ke tlhaloganya gore badiri botlhe kwa GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
E Ke tlhaloganya gore GEMS e tla netefatsa gore dikgato tsa tshireletso ya datha e e lekaneng di teng.
E Ke tlhaloganya gore fa go ka nna le go sa ikobele bosephiri, GEMS e tla tsaya maikarabelo e bile go sa ikobele go, go tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa GEMs tsa ka fa teng.
E Ke ipofa gore nna le motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me re tla tshegetsa melawana le ditsamaiso tsa
E Fano ke rebolela GEMS tetla gotlhelele go diragatsa kgogo ya tuelo ya kgwedi le kgwedi fela ka gangwe go simolola ka letlha le ke nnang leloko ka lona.
E Nna, jaaka leloko la GEMS, ke tsaya maikarabelo a dituelo tsa kgwedi le kgwedi go GEMS.
E Fano ke rebolela mothapi wa me/GEMS go goga tuelo go tswa mo mogolong/akhaontong ya banka tlhwatlhwa efe kana efe e nka tswang ke e kolota GEMs semolao gammogo le go duela GEMs kgotsa baemedi ba yona tuelo yotlhe e e tshwanetseng.
E Nna kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba me ga re baamogela-ditshwanelo ba sekema se sengwe sa kalafi se se kwadisitsweng.
E Ke tla itsise Sekema ka ga diphetego dife kana dife ka ga pholo kgotsa seemo sa bosebele sa motlhokomelwa wa me, jaaka melawana ya Sekema e tlhalosa, mo teng ga malatsi a le 30 a phetogo eo.
E Ke tla itsise GEMS bonnye diura tse 48 pele ga kamogelo ya kwa bookelong ya maemo a e seng a tshoganyetso. Ke amogela gore go sa dire jalo, go ka lebisa kwa go reng ke duela bontlha-bongwe jwa tuelo.
E Ke amogela gore Sekema/baemedi ba sona ba tla duelela ditleleimi tse e tsayang gore di siame e bile di tsamaelana le melawana ya sekema.
E Ka dinako tsotlhe melawana e tla tswelela go nna mo tirisong e bile ke amogela gore makwalo, makwalo-a dikgang ga a tsene mo legatong la melawana ya sekema.
E Ke dumela gore dipuisano tsotlhe magareng ga me le Sekema kgotsa le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka di ka gatisiwa.
Tshaeno ya Leloko-legolo Letlha
Sekema se solofetsa gore:
E Dintlha tsa bosebele le tshedimosetso ya tsa kalafi tsa leloko (tse di bonweng go tswa mo batlameding ba tsa kalafi morago ga gore leloko le rebole tetla) di tla tsholwa e le sephiri.
E tshedimosetso ya leloko (tshedimosetso ya bosebele le ya pholo) ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
Go tswelela mo tsebeng e e ka kwa morago
E Dikgato tsa tshireletso ya datha di teng.
E Phitlhelelo e rebolelwa batho ba ba ka fa teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ya bosebele le pholo.
E Sekema le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tla dirisa tshedimosetso ya tsa kalafi/pholo/
phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang: go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi wa kotsi (risk management practice).
E Badiri botlhe ka fa teng ga sekema gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
E sekema se netefaditse gore go tsenwe mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi ba yona botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
E Mo mabakeng a go tlolwa ga molawana wa bosephiri, sekema se tla tsaya maikarabelo a go sa ikobele go, e bile se se tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa sekema tsa ka fa teng.
Tsweetswee leletsa 0860 00 4367 fa o ka se amogele netefaletso ya botokololo jwa gago kwa GEMS mo sebakeng sa malatsi a tiro a le 7.
Leina le sefane 6 ya tse 6
L1458 (TSWANA)
Tsweetswee o se ka wa busa kaelo e le foromo ya kopo ya gago e e tladitsweng.
Tsweetswee netefatsa gore o tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tsa leloko-legolo tse di latelang:
Khopi ya Lekwaloitshupo la leloko-legolo.
selipi sa mogolo sa sešwengšeng/lekwalo la go rebolelwa tiro.
Diforomo tsa M2 le Z583, fa o le mopenšenara e bile/kgotsa o le mothapiwa wa puso.
Lekwalo le le netefatsang go amogela ketleetso go tswa kwa Botsholamatlotlong jwa Bosetšhaba fa go leng maleba.
Setifikeiti sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se nang le letlha la go khutla.
Tshaeno ya gago fa go tlhokegang (Dikarolo tsa H, I le J).
KAROLO YA A: DINTLHA TSA LELOKOO a patelesega go tlatsa tshedimosetso yotlhe mo Karolong ya A, fa go leng maleba.
Nomoro ya gago ya PERSAL e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago.Bapenšenara: Tsweetswee tlamela ka Nomoro ya gago ya Penšene e e tlhagelelang mo makwalong a gago kgotsa mo Setifikeiting sa Penšene go tswa kwa go Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba.
Mothapi/Setlamo
Tsweetswee bontsha leina le khoutu ya setlamo sa mothapi wa gago wa ga jaana. Khoutu ya setlamo sa gago e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago, fa e le gore o modiredi-puso.
KAROLO YA B: DINTLHA TSA BATLHOKOMELWA
Tsweetswee tlatsa dintlha tsa batlhokomelwa ba gago mo Karolong ya B ya Foromo ya kopo.
Ga go batlhokomelwa bape ntle le ba ba tlhagisitsweng fa tlase ba ba tla akarediwang mo botokololong.
Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go romelwa le kopo fa e le gore leloko-legolo le eletsa go kwadisa baamogela-ditshwanelo jaaka batlhokomelwa:
TLHALOSO YA MOTLHOKOMELWA DITOKOMANE TSE DI TLHOKEGANG
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, kgotsaEla tlhoko: Fa e le gore o mo nyalong ya setso, leloko le tshwanetse go tlamela ka afitafiti e e netefatsang maikano a gago mo go mogatso.
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile khopi ya semolao e e tlhalosang gore ke tshwanetse go mo tlamela ka tshegetso ya kalafi go ya ka lekwalo la tlhalo.
TLHALOSO YA MOTLHOKOMELWA DITOKOMANE TSE DI TLHOKEGANG
Molekane
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile
Afitafiti ya maikano e e netefatsang gore molekane o tlamelwa ka matlole ke leloko.(Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko, molekane le paki)
ngwana (wa madi, yo o tserweng semolao, yo o tlang ka lenyalo kgotsa yo o mo tlhokomelong ya me) yo o dirisang sefane sa leloko, a le dingwaga tse di ka fa tlase ga tse 21
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo.Ela tlhoko: Fa e le gore sefane sa ngwana se farologane le sa leloko, go tlhokega afitafiti e e netefatsang gore leloko le tshwanetse go mo tlamela e bile e tlhalosa lebaka la go sa tshwaneng ga difane. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko)
ngwana (wa madi, yo o tserweng semolao, yo o tlang ka lenyalo kgotsa yo o mo tlhokomelong ya me), yo o dingwaga tse di kwa godimo ga tse 21
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile
Fa e le gore ngwana ke moithuti:Bopaki jwa gore o tsena sekolo ka nako e e tletseng kwa setheong se -segolo sa thuto se se amogelesegang e bile Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamelwa ke -nna ka matlole
Fa e le gore ngwana o golofetse mo tlhaloganyong kgotsa mo mmeleng:Bopaki jwa bogole go tswa kwa ngakeng (Pegelo ya tshekatsheko e -tshwanetse go dirwa ke ngaka) e bile Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamelwa ke -nna ka matlole.
Fa e le gore ngwana ga se moithuti e bile ga a golofala:Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamelwa ke -nna ka matlole. Ela tlhoko: Fa e le gore sefane sa ngwana se farologane le sa leloko, go tlhokega afitafiti e e netefatsang gore leloko le tshwanetse go mo tlamela e bile e tlhalosa lebaka la go sa tshwaneng ga difane. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko)
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela baamogela-ditshwanelo ka matlole.Ela tlhoko: Ratswale/mmatswale gammogo le borremogolo/bommemogolo ka lenyalo ba ka kwadisiwa fa fela mogatso a kwadisitswe jaaka moamogela-ditshwanelo.
setlogolo
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela setlogolo ka matlole. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko gammogo le motsadi wa madi, fa go leng maleba)
nkgonne/kgaitsadiake
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela nkgonne/ kgaitsadi ka matlole. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko) Ela tlhoko: Ke fela bonkgonne/bokgaitsadi ba leloko-legolo ba ka kwadisiwang jaaka baamogela-ditshwanelo.
Bana ba bonkgonne/bokgaitsadiake
Ke tladitse karolo ya motlhokomelwa mo foromong ya kopo, e bile
Afitafiti ya maikano go tswa mo lelokong go netefatsa gore o tlamela bana ba bonkgonne/bokgaitsadi ka matlole. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go kwalwa ke leloko gammogo le nkgonne/kgaitsadi, fa go leng maleba). Ela tlhoko: Ke fela bana ba bonkgonne/bokgaitsadiake ba ka kwadisiwang jaaka baamogela-ditshwanelo.
E Ditlhwatlhwa tsa motlhokomelwa wa mogolo di tla duedisiwa batlhokomelwa botlhe ba ba dingwaga tse di kwa godimo ga tse 21, ntle le
Batlhokomelwa ba ba repetlaneng dithwe (ditlhwatlhwa tsa bana di tla duedisiwa);- Bana ba ba sa ntseng ba tsena sekolo (ditlhwatlhwa tsa bana di tla duedisiwa go fitlha fa ba le dingwaga tse 27);
Diafitafiti tse di tlhalositsweng fa godimo di tshwanetse go tlatswa gammogo le dipotso tsa kalafi tsa batlhokomelwa ba ba repetlaneng dithwe e bile di ka bonwa mo go website ya GEMS mo go www.gems.gov.za kgotsa e ka bonwa ka go leletsa tikwatikwe ya megala mo go 0860 00 4367.
Se o tlhokang go se dira fa o tshwanetse go tlamela GEMS ka ditokomane tse di latelang:
E Fa e le gore o tshwanetse go romela afitafiti, o tlhoka go ya kwa seteišeneng sa sepodisi se se gaufi le wena kgotsa kwa mothong yo o reboletsweng tetla ya go nna mokhomišenara wa maikano go tlhomamisa gore se o se bolelelang GEMs ke nnete e bile se nepagetse.
Pegelo ya kalafi
E Isa diforomo tsa "Pegelo ya tshekatsheko ka ngaka (Bogole)" kwa ngakeng e e maleba mme o e kope gore a e tlatse. Ketelo e e tla duelwa go tswa mo thusong ya go bona dingaka ga maloko a a kwadisitsweng. Maloko a a sa kwadisiwang a tshwanetse go ituelela ketelo e go tswa mo dikgetseng tsa ona.
KAROLO YA C: TLHOPHO YA THUSO
E tsweetswee dira tlhopho ya gago ka tshwanelo, gonne o ka se letlwe go fetola tlhopho ya gago mo tsamaong ya ngwaga ntle le tumelelo ya Boto ya Baemedi-ba-Matlole.
E Dithuso tsa gago tsa kwa ntle ga bookelo gammogo le dithuso tse dingwe di tla fokodiwa go tsamaelana le gore o ikwadisitse leng fa e le gore letlha la ikwadiso ga se 1 Ferikgong. Se se kaya gore ditekanyetso tsa dithuso tsa gago di tla balelwa go tsamaelana le sebaka sa botokololo se se setseng mo ngwageng fa o sale o ikwadisa.
E O tla kgona go fetola tlhopho ya gago kwa bofelong jwa ngwaga mongwe le mongwe go simolola ka letsatsi la ntlha la ngwaga o o latelang.
KAROLO YA D: LETLHA LA GO IKWADISA
O tlhoka go bontsha letlha le o eletsang go ikwadisa mo go GEMS mo Karolong ya D ya Foromo ya kopo.
Tsweetswee ela tlhoko tse di latelang:
E Letlha la go amogelwa ga gago le tshwanetse go nna ka letsatsi la ntlha la kgwedi.E Fa go kgonegang, netefatsa gore letlha la go amogelwa ga gago kwa GEMS go latela ka tlhamalalo go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa kalafi sa pele, gonne kgaogo mo botokololong e ka ama ketleetso e o e amogelang kwa mothaping wa gago.
E Fa e le gore ga go a tsenngwa letlha lepe, letlha la gago la kwadiso le tla swetswa go nna letsatsi la ntlha la kgwedi e e latelang gore go se nne le dikoloto dipe.
E Fa e le gore letlha la go ikwadisa le o le tlhophileng le baka dikoloto tsa dituelo, tuelo e tla gogiwa mo mogolong wa gago kgotsa mo akhaontong ya gago ya banka (fa go leng maleba).
E Fa go tla mo bathapiweng ba bantšhwa, letlha la gago la kwadiso le ka se nne kwa pele ga letlha la go thapiwa ga gago.
KAROLO YA E: KGAOLO YA LOTSENO
Badirakopo ba ba amogelang penšene: Tsweetswee tlatsa foromo ya M2 le foromo ya Z583 go netefatsa go bona ketleetso go tswa kwa Lefapheng la Matlotlo. Fa e le gore o na le lekwalo la Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba le le netefatsang ketleetso ya gago, tsweetswee le kgomaretse mo foromong ya kopo, gonne le tla dira gore tsweletso ya kwadiso e nne bobebe le go feta.
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. (akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.)
KAROLO YA F: BOTOKOLOLO JWA PELE JWA SEKEMA SA KALAFI
Tsweetswee kgomaretsa setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele.
Tsweetswee ela tlhoko tse di latelang:
E Peomolao e swetsa gore wena kgotsa batlhokomelwa ba gago le ka se kwadisiwe mo dikemeng tsa kalafi tse pedi ka nako e le nngwe.
Se o tlhokang go se dira fa e le gore o kile wa nna leleko la sekema sa kalafi se sengwe pele o ikwadisa mo go GEMS:
E Tsweetswee ikgolaganye le sekema sa gago sa kalafi sa pele mme o ba kope go go tlamela ka setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo jaaka bopaki jwa botokololo.
E Tsweetswee ela tlhoko gore fa e le gore setifikeiti sa gago sa botokololo ga se bontshe letlha la bofelo, ga re kgone go ka se dirisa. Gakologelwa go tlatsa le go romela lekwalo la go khutlisa botokololo jwa gago kwa sekemeng sa kalafi sa pele, fa e le gore ga o ise o dire jalo.
E Fa e le gore ga o kgone go bona setifikeiti sa botokololo, re tla amogela go lekwalo la go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi jaaka bopaki jwa go khutlisa, fela e tshwanetse go nna lekwalo le le kwadilweng mo go letterhead ya sekema se.
E Fa e le gore o itemogela bothata mo go khutliseng go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago ka ntlha ya botokololo kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi, tsweetswee kopa modiri wa kwa lefapheng la tsa badiri (HR) go emisa seno, go sa nneng jalo GEMS e ka se kgone go tsenya tirisong go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago.
DIKAROLO TSA I LE J
tsweetswee netefatsa gore o buisa dikarolo tse ka kelotlhoko pele o saena dikarolo tse mo foromong ya kopo ya gago.
Tsweetswee ela tlhoko: Foromo ya kopo ya gago e ka se tswelediwe ntle le tshaeno ya gago.
Fa e le gore o tlhopha go ikwadisetsa Sapphire kgotsa Beryl, o tlhoka go ela tlhoko tse ke ditlhopho tsa ditheo. Se se kaya gore wena le batlhokomelwa ba gago le tla tshwanela ke go dirisa fela batlamedi ba tsa kalafi ba ba mo konterakeng le Ditheo tsa Prime Cure. Ngaka ya lelapa/ngaka ya meno ya gago e ka se kwadisiwe jaaka motlamedi wa Ditheo tsa Prime Cure. Fa go ntse jalo, o tlhoka go leletsa tikwatikwe ya megala ya GEMS mo go 0860 00 4367 go batlisisa ka ga motlamedi wa tirelo yo o mo kgaolong ya gago.
Fa e le gore wena kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba gago le tshela ka HIV/AIDS, go tla bo go le mo kgatlhegelong ya gago go ikwadisa mo lenaneong la botsamaisi jwa HIV/AIDS ya GEMS ka go leletsa Aid for AIDS mo go 0860 100 608. Se ke lenaneo la bosephiri, e bile mothapi kgotsa sekema ga di na phitlhelelo go tshedimosetso ya ga motsaya-karolo.
PHEKOLO YA MALWETSE A A SA FOLENG
Melemo ya malwetse a a sa foleng e reboletswe go alafa maemo a a tsweletseng pele jaaka bolwetse jwa madi a magolo kgotsa jwa khemo (asthma) e bile e nowa ka dinako tsotlhe.
GEMs e tlamela ka dithuso tse di tletseng tsa molemo wa malwetse a a sa foleng go maloko otlhe. Gore o kgone go ka rebolelwa melemo wa malwetse a a sa foleng, o tshwanetse go ikwadisetsa lenaneo la phekolo ya malwetse a a sa foleng, morago fela fa o se na go amogela kitsiso ya gore jaanong o leloko le le kwadisitsweng la GEMS.
Melemo ya malwetse a a sa foleng e akaretsa:
E Molemo wa malwetse a a tshosetsang botshelo, jaaka bolwetse jwa sukiri;
E Molemo o o dirisetswang maemo a a tsweletseng go alafa malwetse a a sa foleng a a koafatsang mmele, a a amang thata go dira le boleng jwa botshelo, e bileE Melemo ya nako e khutshwane e e tlhwatlha-godimo e e tla thibelang kalafi e e e tlhwatlhwa-godimo jaaka go robala kwa bookelong.
KOPO YA MELEMO YA MALWETSE A A SA FOLENG Sapphire le Beryl
Fa e le gore o mo go Sapphire kgotsa Beryl, ngaka ya gago ya dikhemisi tsa Prime Cure, morago ga go netefatsa bolwetse jwa gago, e tla nna le maikarabelo a go kwadisa seemo sa gago mo go GEMS gammogo le go bona thebolelo-tetla ya melemo ya gago ya malwetse a a sa foleng.
Morago ga go kwadisiwa mo lenaneong, melemo ya gago e e reboletsweng tetla e tla duelelwa ka botlalo, fa fela o e amogela kwa khemising ya Prime Cure kgotsa ka khemisi e e supilweng go ka tsamaisa melemo. Ngaka ya gago ya Prime Cure e tla go thusa ka dithulaganyo tse.
tsweetswee ela tlhoko gore ke fela melemo e e mo lenaneong la melemo ya sapphire le Beryl e e tla duelelwang.
Fa e le gore o mo go Ruby, Emerald kgotsa Onyx, o tlhoka go dira kopo go bona molemo wa gago wa malwetse a a sa foleng ka go amogela foromo ya kopo ya molemo wa malwetse a a sa foleng go tswa kwa tikwatikweng ya megala ya GEMS kgotsa ka go e gatisa go tswa mo go website ya rona kwa www.gems.gov.za.
Morago ga gore ngaka ya gago e go tlhatlhobe le go tlatsa foromo ya kopo, o tlhoka go romela foromo e ka fekese gammogo le lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gape le gape mo go 0866 51 8009 gore di tswelediwe. Kgotsa o ka nna wa di romela ka e-mail mo go chronicDSP@gems.gov.za. Ka gale netefatsa gore kopo ya gago e tladitswe gotlhe le go saeniwa ke wena le ngaka ya gago.
Setlhopha sa sekalafi se tla leba dintlha tsa gago e bile fa go tlhokega se tla ikgolaganya le ngaka ya gago (e ka tswa e le ka mogala kgotsa ka lekwalo) e le go tlhopha melemo e e leng maleba e bile/kgotsa e e seng tlhwatlhwa-godimo. O tla romelwa molaetsa wa SMS o tlhalosediwa seemo sa kopo ya gago (rasiti le thebolo ya tetla). Kopo ya gago e tla tsaya bokana ka malatsi a tiro a le supa go tsweletswa.
Tsweetswee gakologelwa tse di latelang fa o dira kopo ya molemo wa malwetse a a sa foleng:
E Foromo ya kopo ya molemo o o sa foleng e tshwanetse go tladiwa go leloko lengwe le lengwe la lelapa le le tlhokang molemo wa malwetse a a sa foleng. E Boloka khopi ya foromo e e tladitsweng mo direkotong tsa gago. E Mametlelela diteko tse di tshegetsang/dipatlisiso tse di kgethegileng le makwalo a a tlaleletsang jaaka go kopilwe go tila ditiego mo go tsweletseng kopo ya gago.
Morago ga gore kopo ya gago e amogelwe, o tla amogela lekwalo la thebolelo-tetla le le tlhagisang melemo e e tla duelelwang go tswa mo Thusong ya gago ya Molemo wa malwetse a a sa foleng. Lekwalo gape le tla bontsha gore ke melemo efe e e mo Lenaneng la Melemo (Medicine Price List - MPL) le le amogetsweng, gammogo le melemo e go tlhokegang gore go duelwe dituelo dingwe tsa melemo e e seng mo lenaneng (out-of-formulary co-payments).
Melemo e mengwe, e e sa duelelweng sepe, e teng. tsweetswee buisanela kgonagalo ya go dirisa setlhagisiwa se sengwe le ngaka ya gago ya melemo fa o eletsa go tila tuelo e. Fa e le gore molemo o o reboletsweng tetla o farologane le molemo o o o kopileng, lekwalo la tlhaloso le tla akarediwa mo lekwalong la thebolelo-tetla e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya melemo.
Fa e le gore kopo ya gago ga e amogelwe, o tla romelwa lekwalo e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya gago ya melemo. Fa e le gore tshedimosetso ya sekalafi go ya pele e a tlhokega, kopo ya gago e tla sekasekwa gape fa fela tshedimosetso e e maleba e se na go amogelwa go tswa kwa ngakeng ya gago. ngaka ya gago e ka nna ya leletsa 0860 100 608 go bona thuso.
Dikopo tse di ntšhwafaditsweng
Fa e le gore melemo ya gago ya malwetse a a sa foleng e a fetoga ka tsela nngwe, o tshwanetse go itsise GEMS.
tsweetswee romela lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gangwe le gape ka fekese go bona melemo e mešwa go tswa go motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng mo go 0866 51 8009.
Go romelwa ga melemo
Modiri wa GEMs wa motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng o tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa diura tse 48, go dira dithulaganyo tsa go romelwa ga melemo ya gago.
Fa o se na go fetsa ka foromo ya gago ya kopo e e tladitsweng, o ka nna wa e romela ka nngwe ya ditsela tse di latelang gore e kwadisiwe:
Morago ga go tsweletsa foromo ya kopo ya gago, o tla amogela sMs go netefatsa gore kopo ya gago e gorogile. O tla itsisiwe fa e le gore go na le ditokomane tsa tlaleletso dife kana dife tse di tlhokegang go tlamelwa go kgona go feleletsa kwadiso ya kopo ya gago.
Morago ga go fetsa ka ga kwadiso ya foromo ya kopo ya gago, pakana ya leloko e e akaretsang dikarata tsa botokololo jwa gago gammogo le kaelo ya leloko e e tletseng, di tla romelwa ka poso go aterese ya gago ya poso.
